Bokone Bophirima e ne ya tlhamiwa kwa bokhutlong jwa tlhaolele ka ngwaga wa 1994, mme e akaretsa dikarolo tsa maloba tsa Porofense ya Transvaal le tsa Porofense ya Kapa, le dikarolo tsa Nagalegae ya maloba ya Bophuthatswana. Go ne ga nna le dikhuduego tsa sepolotiki kwa Khutsong (Lekgotlatoropo la Selegae la Merafong City) ka ngwaga wa 2006 le wa 2007, morago ga gore go fedisiwe makgotlatoropo a a kgabaganyang diporofense, mme Lekgotlatoropo la Merafong le fetisediwe kwa Bokone Bophirima gotlhelele. Lekgotlatoropo la Merafong le ne la isiwa kwa porofenseng ya Gauteng ka ngwaga wa 2009.

Puso ya porofense e akaretsa tonakgolo, lekgotla la bakhuduthamaga ba le lesome, le kgotlapeomolao. Kokoanopeomolao ya porofense le tonakgolo ba tlhophiwa go nna dingwaga di le tlhano mo setulong, kgotsa go fitlha ditlhopho tse di latelang. Mekgatlho ya sepolotiki e newa ditulo tsa lekgotlha go ya ka palo ya ditlhopho tse mokgatlho o di fumaneng mo porofenseng ka ditlhopho tsa bosethaba. Lekgotlha ke lona le tlhophang tonakgolo, mme tonakgolo ke ena a (tlhopang maloko a lekgotla la khuduthamaga (appoint the members of the executive council.)


Bokone Bophirima Mp3 Download


Download File 🔥 https://urluss.com/2yGaJI 🔥



Tonakgolo ya porofense ya Bokone Bophirima, go tloga ka 21 Motsheganong 2014, ke Supra Mahumapelo[2] wa mokgatlho wa African National Congress. O tlhophilwe morago ga Thandi Modise go nna mo setulong sa botonakgolo morago ga ditlhopho tsa 2014.

Dithaba tsa Magaliesberg kwa bokone-botlhaba di botelele jo bo ka nnang 130 km (go lekana le 80 miles) go tloga Tshwane go ya Rustenburg. Noka ya Vaal e elela mo molelwaneng o o kwa borwa ba porofense.

Tsa moruo tsa porofense ya Bokone Bophirima di itshegeditse thata mo meepong, go dira seripagare sa Gross Domestic Product ya porofense le go direla nngwe-tharo ya badiri ditiro mo porofenseng. Diminerale tse tona ke gauta, e epiwa kwa Orkney le kwa Klerksdorp, jaanong e leng Matlosane; uranium, e epiwa kwa Matlosane; platinamo, e epiwa kwa Rustenburg le kwa Brits; le ditaemane, di epiwa kwa Ditsobotla (Lichtenburg), Christiana, le kwa Bloemhof. Dikarolo tse di kwa bokone le tse di kwa bophirima ba porofense di na le diruiwa jaaka dinku le dikgomo tse dintsi. Dikarolo tse di kwa botlhaba le tse di kwa borwa ke tse go nang le ditshimo tsa mmopo, go dira bupi, malomo a letsatsi, motsoko, katunu, le maungo jaaka dinamune. Lefelo la go iketla le casino kwa Sun City le Lost City, le tsona di na le seabe mo tsa moruo tsa porofense.

Bontsi ba batho mo porofenseng ke Batswana ba ba buang Setswana. Ba bang batho ba ba nnang kwa Bokone Bophirima ba akaretsa BaAfrikanere, BaSotho, le BaXhosa. Sekgoga se buiwa e le loleme la bobedi gantsi mo porofenseng. Bontsi ba batho ke Bakeresete. (Dipalopalo di tswa go Census 2011 di lokolotsweng ka Phukwi 2003).

Go ya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, 90.8% ya batho mo porofenseng ke batho ba ba Ntsho (bontsi ba bua Setswana), 7.2% ke Basweu (Bontsi ba bua Afrikaans), 1.6% ke Coloured , 0.4% ke Asian. Goya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, porofense e e na le batho ba ba fetang dimilione di le tharo (3 million). Batho ba basweu ba porofense ba ntse mo karolong e le ngwe ya porofense, ga ba phatlhalala felo-gotlhe mo go tshwana le batho ba bangwe mo porofenseng. Mo dimasepaleng tse di kwa borwa le tse di kwa botlhaba, palo ya batho basweu kwa Tlokwe (Potchefstroom) le kwa Matlosana (Klerksdorp) ke 27% le 12% ka tatelano.

Porofense e na le palo e e kwa tlase go fetisa tsotlhe ya batho ba dingwaga dile 35 le go ya godimo (5.9%) ba ba nang le dithuto tsa morago ga marema-tlou. Go tloga ka 1994, palo ya batho ba ba fitlhelelang thuto e e kwa godimo e oketsegile. Morago ga go tloswa ga di bantustans, batho ba le bantsi ba ne ba godugela kwa ditoropong tsa moruo tsa Cape Town le Gauteng.

Seno ke sona fela Sekan sa Sethaba gotswa kwa porofenseng efe kgotsa efe se se takilweng ka botlalo ka mebala mme ka tsela nngwe dipopeg tsa folaga ya bosethaba, e e tsentsweng tirisong ka di 27 Moranang 1994.

Fa godimo ga motheo o motala ke thebe e e nang le nkgo ya metsi mo bogareng. Bogare jwa thebe bo kgaogantswe ka dikotara, bohibidu fa godimo le fa tlase, mmala wa loapi kwa molemeng le mojeng, sefapaano se se tala se ipegile ka tshekaganyo mme se na le ditlhakore tse tshweu. Mo sefapaanong ke lozenge (khutlonne e e tshekaganeng), e le yona eleng tala, ka nkgo mo bogareng. Nkgo e emetse ngwao ya Setswana e mafatshe a yona a morafe a neng a bopile Bophuthatswana le Bokone-Bophirima.

Thebe e tshegeditswe ke dikwalata di le pedi. Fa godimo ga thebe ke leseka le le betlilweng ka selefera, mme sonobolomo e dutse fa godimo ga dinaka tsa nare tse di selefera. Sonobolomo e emetse temothuo ya kgaolo, kwa sonobolomo e lengwelwang kgwebo. E emetse gape letsatsi le le tlhokagalang go ka tlhagisa dijalo.

Kwalata ka bogolo ke sefudi, gantsi e ja bojang, fela gangwe le gape di tlile go topatopa. Kwalata ke phologolo ya motlhape, e gantsi e ikgodisetsang bana. Metshwao ya tsona ya tsiboso (metshwao e mesweu le bontsho ya mo sefatlhegong), e supa mafega, segolobogolo fa go tliwa mo baneng ba yona.

Ka motsi wa paka ya tsadisano, dipoo tse di maatla go feta gantsi di koba dipowana gotswa mo motlhapeng. Ntwa magareng ga dipoo ka nako eno gantsi e isa kwa dikgobalong tse di bolayang. Fa di bontsha mafega, dikwalata tsa poo, di gotlha dinaka tsa tsona kgatlhanong le dikala tsa ditlhare. Mebotwana e megolo mo dinakeng e dira modumo o o mogwasa.

Sonobolomo, gotswa lolapeng lwa Asteraceae, ke sejalo sa ngwaga le ngwaga, se se ka golelang go boleele jwa 3 m. Tlhogwana ya sethunya e kgolo e e serolwana e okareng daisy e na le bomolagare jo bo ka nnang 30 cm. Dithunya di latedisa motsamao wa letsatsi ka go retolosetsa difatlhego tsa tsona go leba kwa letsatsing kwa ntlheng ya botlhaba goya kwa bophirima.

Disonobolomo ke dimela tse di botlhokwa mo Afrika Borwa mo tlhagisong ya oli ya merogo. Kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima, dipeo go begwa fa di diriswa go dira senkgwe le sen se se ratileng go tshwana le kofi. 152ee80cbc

download image of our lady of perpetual help

logitech wireless keyboard and mouse mk220 driver download

bolero pickup status video download